Tselane le Dingwe
Mokwadi: Batswana
Tselane o sala a le nosi fa ba lelapa la gagwe ba fuduga. Mmaagwe o mo tlisetsa dijo ka go dirisa pina e Tselane a e itseng. Dingwe o utlwa se se diragalang, a fetola lentswe la gagwe ka tshipi e e gotetseng, mme a tsietsa Tselane gore a mmulele. O mo tsaya ka kgetsana, mme Tselane o namolwa ka thuso ya batho ba ba mo fitlhelang. Ba tsenya dilo tse di kotsi mo kgetsaneng, mme bofelo Dingwe o a fenngwa.
